Hebreus 8
Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha (TSN) vs NVI
1 Se re se buang ke se: Keresete yo boperesiti jwa gagwe re setseng re tswa go bo tlhalosa, ke Moperesiti wa rona yo Mogolo, ebile o kwa legodimong kwa bonnong jwa tlotlo e kgolo thata gaufi le Modimo ka sebele.
1 O mais importante do que estamos tratando é que temos um sumo sacerdote como esse, o qual se assentou à direita do trono da Majestade nos céus
2 O dira mo tempeleng e e kwa legodimong, lefelo la boammaaruri la kobamelo le le agilweng ke Morena e seng ke diatla tsa batho.
2 e serve no santuário, no verdadeiro tabernáculo que o Senhor erigiu, e não o homem.
3 Mme ka moperesiti mongwe le mongwe yo mogolo a tlhophelwa go ntsha dineo le ditlhabelo, Keresete le ene o tshwanetse go ntsha setlhabelo.
3 Todo sumo sacerdote é constituído para apresentar ofertas e sacrifícios, e por isso era necessário que também este tivesse algo a oferecer.
4 Setlhabelo se a se ntshang se botoka thata go gaisa ditlhabelo tse di ntshiwang ke baperesiti ba lefatshe. Mme le fa go ntse jalo, fa a ka bo a ne a le mo lefatsheng o ne a ka se ka a letlelelwa go nna moperesiti gonne mo lefatsheng baperesiti ba santse ba latela mokgwa wa bogologolo wa Sejuta wa ditlhabelo.
4 Se ele estivesse na terra, nem seria sumo sacerdote, visto que já existem aqueles que apresentam as ofertas prescritas pela lei.
5 Tiro ya bone e ka fa tsamaisong ya motlaagana wa selefatshe o o leng moriti wa motlaagana tota o o kwa legodimong; gonne erile fa Moshe a ipaakanyetsa go aga motlaagana Modimo o ne wa mo tlhagisa gore a dire motlaagana o o tshwanang le motlaagana wa legodimo jaaka a ne a bontshiwa kwa Thabeng ya Senai.
5 Eles servem num santuário que é cópia e sombra daquele que está nos céus, já que Moisés foi avisado quando estava para construir o tabernáculo: "Tenha o cuidado de fazer tudo segundo o modelo que lhe foi mostrado no monte".
6 Mme Keresete, jaaka e le moperesiti kwa legodimong, o duetswe ka tiro e e botlhokwa thata go gaisa ba ba dirang ka fa melaong e megologolo, gonne Kgolagano e ncha e a e fetiseditseng kwa go rona e tswa kwa Modimong e na le ditsholofetso tse di molemo thata.
6 Agora, porém, o ministério que Jesus recebeu é superior ao deles, assim como também a aliança da qual ele é mediador é superior à antiga, sendo baseada em promessas superiores.
7 Kgolagano e kgologolo ga e ise e ke e bo e nne le thuso epe. Fa e ka bo e ne e na le thuso, go ka bo go ne ga seka ga tlhokega gore kgolagano e ncha e nne teng.
7 Pois se aquela primeira aliança fosse perfeita, não seria necessário procurar lugar para outra.
8 Mme Modimo ka sebele o ne wa bona phoso mo kgolaganong e kgologolo, gonne o ne wa re, “Letsatsi le tlaa tla la gore ke dire kgolagano e ncha le batho ba Iseraele le batho ba Juda.
8 Deus, porém, achou o povo em falta e disse: "Estão chegando os dias, declara o Senhor, quando farei uma nova aliança com a comunidade de Israel e com a comunidade de Judá.
9 Kgolagano e ncha e ga e kitla e tshwana le e kgologolo e ke neng ka e neela borraabo ka letsatsi le ke neng ka ba tshwara ka seatla go ba etelela pele ke ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto; ga ba a ka ba tlhomama mo kgolaganong eo; jalo ka tshwanelwa ke go e tlosolosa.
9 Não será como a aliança que fiz com os seus antepassados quando os tomei pela mão para tirá-los do Egito; visto que eles não permaneceram fiéis à minha aliança, eu me afastei deles", diz o Senhor.
10 Mme Morena a re, kgolagano e ke tlaa e dirang le batho ba Iseraele ke e: Ke tlaa kwala melao ya me mo megopolong ya bone gore ba tle ba itse se ke batlang ba se dira kwa ntle ga go ba bolelela, mme ke tlaa nna Modimo wa bone le bone ba tlaa nna batho ba me.
10 "Esta é a aliança que farei com a comunidade de Israel depois daqueles dias", declara o Senhor. "Porei minhas leis em suas mentes e as escreverei em seus corações. Serei o Deus deles, e eles serão o meu povo.
11 Mme ga go na ope yo o tlaa tlhokang go bua le tsala ya gagwe kgotsa molekane kgotsa morwa rraagwe, a re, ‘Le wena o tshwanetse go itse Morena’ gonne mongwe le mongwe, yo mogolo le yo monnye, ba tlaa bo ba setse ba nkitse.
11 Ninguém mais ensinará ao seu próximo nem ao seu irmão, dizendo: ‘Conheça ao Senhor’, porque todos eles me conhecerão, desde o menor até o maior.
12 Mme ke tlaa ba utlwela botlhoko mo ditirong tsa bone tse di bosula, ebile ga ke na go tlhola ke gakologelwa dibe tsa bone”.
12 Porque eu lhes perdoarei a maldade e não me lembrarei mais dos seus pecados".
13 Modimo o bua ka ditsholofetso tse di ncha tse, tsa kgolagano e ncha e, gore di tsaya maemo a kgolagano e kgologolo; gonne e beetswe kwa thoko ka bosakhutleng.
13 Chamando "nova" esta aliança, ele tornou antiquada a primeira; e o que se torna antiquado e envelhecido, está a ponto de desaparecer.
Atalhos do teclado
- Capítulo anterior←
- Próximo capítulo→
- Versículo anteriork
- Próximo versículoj
- Limpar seleçãoEsc
- Esta ajuda?
Estude este capítulo no WhatsApp
Peça à IA da Bíblia Fala para explicar Hebreus 8, comparar traduções ou montar um estudo — tudo direto pelo WhatsApp.