Mateus 27

Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha (TSN) vs ARIB

Sair da comparação
ARIB Almeida Revisada Imprensa Bíblica
1 Mme e rile mo mosong, ditlhogo tsa pa-peresiti le baeteledipele ba Sejuda ba rakana gape go gakololana ka fa ba ka tlhotlheletsang ka teng mmuso wa Se-Roma go atlholela Jesu loso.
1 Ora, chegada a manhã, todos os principais sacerdotes e os anciãos do povo entraram em conselho contra Jesus, para o matarem;
2 Mme ba mo romela kwa go Pilatwe molaodi wa Roma a golegilwe ka dikeetane.
2 e, maniatando-o, levaram-no e o entregaram a Pilatos, o governador.
3 E rile ka nako eo, fa Judase yo o mo okileng a bona gore Jesu o atlholetswe loso, a ikwatlhaya a utlwa botlhoko thata ka se a se dirileng, a busetsa madi kwa ditlhogong tsa baperesiti le baeteledipele ba bangwe ba Sejuda.
3 Então Judas, aquele que o traíra, vendo que Jesus fora condenado, devolveu, compungido, as trinta moedas de prata aos anciãos, dizendo:
4 A re, “Ke leofile, gonne ke okile motho yo o senang molato.” Ba mo fetola ba re, “Ke dibonwa ke wena.”
4 Pequei, traindo o sangue inocente. Responderam eles: Que nos importa? Seja isto lá contigo.
5 Hong a latlhela madi mo bodilong jwa Tempele, a tswa a ya go ikaletsa.
5 E tendo ele atirado para dentro do santuário as moedas de prata, retirou-se, e foi enforcar-se.
6 Ditlhogo tsa baperesiti tsa sela madi ao. Tsa re, “Ga re kake ra a tsenya mo letloleng, gonne go kgatlhanong le melao ya rona go amogela madi a a dueletseng polao ya motho.”
6 Os principais sacerdotes, pois, tomaram as moedas de prata, e disseram: Não é lícito metê-las no cofre das ofertas, porque é preço de sangue.
7 Ba go rerisanya mme kwa bofelong ba dumalana go reka setsha sa lefatshe se letsopa la sone le neng le dirisiwa go bopa dinkgwana le gore se dirisiwe go fitlha baeng ba ba swelang mo Jerusalema.
7 E, tendo deliberado em conselho, compraram com elas o campo do oleiro, para servir de cemitério para os estrangeiros.
8 Ke sone se e leng gore setsha se, se sa ntse se bidiwa “Lefatshe la Madi”
8 Por isso tem sido chamado aquele campo, até o dia de hoje, Campo de Sangue.
9 Se se dirafaditse seporofeso sa ga Jeremia se se reng, “Ba tsaya dipapetlana tsa selefera di le masome mararo, tlhwatlhwa e a neng a e beetswe ke batho ba Iseraele,
9 Cumpriu-se, então, o que foi dito pelo profeta Jeremias: Tomaram as trinta moedas de prata, preço do que foi avaliado, a quem certos filhos de Israel avaliaram,
10 mme ba reka setsha mo baboping ba dinkgwana jaaka Morena Modimo a nkaetse.”
10 e deram-nas pelo campo do oleiro, assim como me ordenou o Senhor.
11 Mme ya re Jesu a eme fa pele ga ga Pilatwe, molaodi wa Roma, a mmotsa a re, “A o Mesia wa Bajuda”? Jesu a mo araba a re, “Ee go ntse jalo.”
11 Jesus, pois, ficou em pé diante do governador; e este lhe perguntou: És tu o rei dos judeus? Respondeu-lhe Jesus: É como dizes.
12 Mme e rile ditlhogo tsa baperesiti le baeteledipele ba bangwe ba Sejuda ba mmaya melato e mentsintsi, Jesu a didimala fela.
12 Mas ao ser acusado pelos principais sacerdotes e pelos anciãos, nada respondeu.
13 Pilatwe a mo raya a re, “A ga o utlwe se ba se buang?”
13 Perguntou-lhe então Pilatos: Não ouves quantas coisas testificam contra ti?
14 Mme Jesu a seka a bua sepe mme mo ga gakgamatsa moladi thata.
14 E Jesus não lhe respondeu a uma pergunta sequer; de modo que o governador muito se admirava.
15 Mme ka fa mokgweng wa molaodi e ne e le gore ngwaga le ngwaga a golole legolegwa lengwe la Sejuda ka moletlo wa Tlolaganyo. Mongwe fela yo ba mo ratang.
15 Ora, por ocasião da festa costumava o governador soltar um preso, escolhendo o povo aquele que quisesse.
16 Mo ngwageng eo ga bo go le mo kgolegelong Barabase serukutlhi se se itsegeng thata,
16 Nesse tempo tinham um preso notório, chamado Barrabás.
17 mme ya re bontsintsi bo phuthegela fa pele ga ntlo ya ga Pilatwe mo mosong oo, a ba botsa a re, “Lo batla ke lo gololela mang, Barabase kgotsa Jesu Mesia wa lona?”
17 Portanto, estando o povo reunido, perguntou-lhe Pilatos: Qual quereis que vos solte? Barrabás, ou Jesus, chamado o Cristo?
18 Gonne o na a itse sentle gore baeteledipele ba Sejuda ba golegile Jesu ka kilo ka ntlha ya go tuma ga gagwe.
18 Pois sabia que por inveja o haviam entregado.
19 Mme ya re a ntse a sekisa, mosadi wa gagwe a mo romelela molaetsa o: “Tlogela monna yo o siameng yoo; gonne ke letse ke tshwenyegile thata mo torong ka ntlha ya gagwe.”
19 E estando ele assentado no tribunal, sua mulher mandou dizer-lhe: Não te envolvas na questão desse justo, porque muito sofri hoje em sonho por causa dele.
20 Ka nako eo ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane ba Sejuda ba tlhotlheletsa bontsintsi jwa batho go kopa gore Barabase a gololwe, Jesu ene a bolawe.
20 Mas os principais sacerdotes e os anciãos persuadiram as multidões a que pedissem Barrabás e fizessem morrer Jesus.
21 Hong ya re fa molaodi a botsa gape a re, “Ke ofe mo go ba babedi ba, yo lo batlang ke lo mo gololela?” Bontsi jwa batho ba goa ba re, “Barabase!”
21 O governador, pois, perguntou-lhes: Qual dos dois quereis que eu vos solte? E disseram: Barrabás.
22 Hong Pilatwe a botsa a re, “Jaanong ke tlaa reng ka Jesu, Mesia wa lona?” Mme ba goa, ba re, “A a bapolwe!”
22 Tornou-lhes Pilatos: Que farei então de Jesus, que se chama Cristo? Disseram todos: Seja crucificado.
23 Pilatwe a re, “Ka ntlha yang? O dirile bosula jwa eng?” Mme ba tswelela ba goa ba re, “A a bapolwe! A a bapolwe!”
23 Pilatos, porém, disse: Pois que mal fez ele? Mas eles clamavam ainda mais: Seja crucificado.
24 E rile fa Pilatwe a bona gore ga a kgone, le gore pheretlhego e a tsoga, a kopa mogopo wa metsi a tlhapa diatla tsa gagwe fa pele ga bontsi jwa batho a re, “Ga ke na molato mo mading a monna yo o siameng yo.”
24 Ao ver Pilatos que nada conseguia, mas pelo contrário que o tumulto aumentava, mandando trazer água, lavou as mãos diante da multidão, dizendo: Sou inocente do sangue deste homem; seja isso lá convosco.
25 Mme bontsi jwa goa jwa re “Madi a gagwe a a nne mo ditlhogong tsa rona le bana ba rona!”
25 E todo o povo respondeu: O seu sangue caia sobre nós e sobre nossos filhos.
26 Hong Pilatwe a ba gololela Barabase. Mme e rile a sena go kgwathisa Jesu, a mo neela masole a Roma go ya go mmapola.
26 — ausente —
27 Mme masole a mo tseela kwa tlung ya ditlhabano, mephato yotlhe ya mo phuthaganela.
27 Nisso os soldados do governador levaram Jesus ao pretório, e reuniram em torno dele toda a corte.
28 Hong ba mo apola, ba mo apesa kobo e khibidu,
28 E, despindo-o, vestiram-lhe um manto escarlate;
29 mme ba mo logela serwalo ka mitlwa e meleele ba se mo rwesa, ba mo naya thobane mo lebogong le legolo e e emetseng thobane ya Segosi mme ba khubama fa pele ga gagwe ka tshotlo ba goa ba re, “Dumela Kgosi ya Bajuda.”
29 e tecendo uma coroa de espinhos, puseram-lha na cabeça, e na mão direita uma cana, e ajoelhando-se diante dele, o escarneciam, dizendo: Salve, rei dos judeus!
30 Mme ba mo kgwela mathe, ba tsaya thobane ba mo itaya ka yone mo tlhogong.
30 E, cuspindo nele, tiraram-lhe a cana, e davam-lhe com ela na cabeça.
31 Morago ga tshotlo, ba mo apola kobo ba mo apesa seaparo sa gagwe gape, ba mo isa kwa ntle go ya go mmapola.
31 Depois de o terem escarnecido, despiram-lhe o manto, puseram-lhe as suas vestes, e levaram-no para ser crucificado.
32 Ya re ba le mo tseleng e e yang kwa go bolaelwang teng, ba bona monna yo o tswang Sirene mo Aferika, yo o neng a bidiwa Simone, ba mo pateletsa go tsaya mokgoro wa ga Jesu.
32 Ao saírem, encontraram um homem cireneu, chamado Simão, a quem obrigaram a levar a cruz de Jesus.
33 Hong ba ya felong fa go bidiwang Gologotha, ke gore “Felo ga Logata,”
33 Quando chegaram ao lugar chamado Gólgota, que quer dizer, lugar da Caveira,
34 kwa masole a neng a mo neela mofine o o tlhakantsweng le santlhokwe, mme ya re a sena go o lekeletsa ka legano a o gana.
34 deram-lhe a beber vinho misturado com fel; mas ele, provando-o, não quis beber.
35 Morago ga papolo, masole a kgaogana diaparo tsa gagwe ka go di thelela bola (mataise).
35 Então, depois de o crucificarem, repartiram as vestes dele, lançando sortes, {para que se cumprisse o que foi dito pelo profeta: Repartiram entre si as minhas vestes, e sobre a minha túnica deitaram sortes.}
36 Hong ba nna ba mo lebeletse mo mokgorong.
36 E, sentados, ali o guardavam.
37 Mme ba baya sesupo fa godimo ga tlhogo ya gagwe se balega se re, “Yo ke Jesu Kgosi ya Bajuda.”
37 Puseram-lhe por cima da cabeça a sua acusação escrita: ESTE É JESUS, O REI DOS JUDEUS.
38 Dinokwane di le pedi le tsone di ne tsa bapolwa mo mosong oo di mo tsentse fa gare.
38 Então foram crucificados com ele dois salteadores, um à direita, e outro à esquerda.
39 — ausente —
39 E os que iam passando blasfemavam dele, meneando a cabeça
40 — ausente —
40 e dizendo: Tu, que destróis o santuário e em três dias o reedificas, salva-te a ti mesmo; se és Filho de Deus, desce da cruz.
41 — ausente —
41 De igual modo também os principais sacerdotes, com os escribas e anciãos, escarnecendo, diziam:
42 — ausente —
42 A outros salvou; a si mesmo não pode salvar. Rei de Israel é ele; desça agora da cruz, e creremos nele;
43 — ausente —
43 confiou em Deus, livre-o ele agora, se lhe quer bem; porque disse: Sou Filho de Deus.
44 Mme dinokwane le tsone tse di neng di bapotswe nae tsa latlhela tshotlo tsa mo gobolola ka mokgwa o o tshwanang.
44 O mesmo lhe lançaram em rosto também os salteadores que com ele foram crucificados.
45 Ya re mo go yone tshokologo ya letsatsi leo, lefatshe lotlhe la welwa ke lefifi dioura di le tharo, go simologa motshegare go fitlhelela ka nako ya boraro.
45 E, desde a hora sexta, houve trevas sobre toda a terra, até a hora nona.
46 E rile ka nako ya boraro, Jesu a goa a re, “Eli, Eli Lama Sabakathani” ke gore, “Modimo wa me, Modimo wa me, ontatlhetseng?” fa go tlhalosiwa.
46 Cerca da hora nona, bradou Jesus em alta voz, dizendo: Eli, Eli, lamá sabactani; isto é, Deus meu, Deus meu, por que me desamparaste?
47 Bangwe ba batho ba ba neng ba le gaufi ba se ka ba mo tlhalogan ya mme ba gopola gore o bitsa Elija.
47 Alguns dos que ali estavam, ouvindo isso, diziam: Ele chama por Elias.
48 Mongwe wa bone a siana a tlatsa ngami mofine o o botsarara, a e tlhomela mo thobaneng a e isa kwa molomong wa gagwe go mo nosa.
48 E logo correu um deles, tomou uma esponja, ensopou-a em vinagre e, pondo-a numa cana, dava-lhe de beber.
49 Mme bangwe ba re, “Mo leseng re bone gore a Elija o tlaa tla go mmoloka.”
49 Os outros, porém, disseram: Deixa, vejamos se Elias vem salvá-lo.
50 Hong Jesu a goa ka lentswe le legolo gape, a golola mowa wa gagwe, a swa.
50 De novo bradou Jesus com grande voz, e entregou o espírito.
51 Jalo Sesiro se se farologanyang Felo ga Boitshepo mo Tempeleng sa fatogana go simologa kwa godimo go ya kwa tlase; le lefatshe la tshikinyega, mafika a phatloga,
51 E eis que o véu do santuário se rasgou em dois, de alto a baixo; a terra tremeu, as pedras se fenderam,
52 le mabitla a bulega, mme banna ba ba boifang Modimo ba le bantsi le basadi ba ba neng ba sule ba rula.
52 os sepulcros se abriram, e muitos corpos de santos que tinham dormido foram ressuscitados;
53 Morago ga tsogo ya ga Jesu, ba tlogela diphuphu ba ya Jerusalema, mme ba bonala mo bathong ba le bantsi teng.
53 e, saindo dos sepulcros, depois da ressurreição dele, entraram na cidade santa, e apareceram a muitos.
54 Masole kwa papolong le bagolwane ba one a tshosiwa thata ke thoromo ya lefatshe le gotlhe mo go neng go diragala. Ba bua ba re, “Ammaaruri e ne e le Morwa Modimo.”
54 ora, o centurião e os que com ele guardavam Jesus, vendo o terremoto e as coisas que aconteciam, tiveram grande temor, e disseram: Verdadeiramente este era filho de Deus.
55 Mme basadi ba le bantsi ba ba neng ba tswa Galalea le Jesu go mo tlhokomela ba ne ba lebeletse ba le kgakala.
55 Também estavam ali, olhando de longe, muitas mulheres que tinham seguido Jesus desde a Galiléia para o ouvir;
56 Mo go bone ga bo go le Marea Magatalena le Marea mmaagwe Jakobe le Josefe, le mmaagwe Jakobe le Johane (bomorwa Sebede).
56 entre as quais se achavam Maria Madalena, Maria, mãe de Tiago e de José, e a mãe dos filhos de Zebedeu.
57 E rile mo maitseboeng, monna mongwe yo o humileng a tswa Arimathea yo o bidiwang Josefe, mongwe wa balatedi ba ga Jesu,
57 Ao cair da tarde, veio um homem rico de Arimatéia, chamado José, que também era discípulo de Jesus.
58 a ya go kopa setopo sa ga Jesu kwa go Pilatwe. Mme Pilatwe a laola gore a se neelwe.
58 Esse foi a Pilatos e pediu o corpo de Jesus. Então Pilatos mandou que lhe fosse entregue.
59 Josefe a tsaya setopo a se phutha ka letsela la leloba le le phepa,
59 E José, tomando o corpo, envolveu-o num pano limpo, de linho,
60 mme a se baya mo phuphung ya gagwe e e gabilweng mo lefikeng, mme e rile a tsamaya a pitikololela lentswe le le tona fa godimo ga yone go e khurumela.
60 e depositou-o no seu sepulcro novo, que havia aberto em rocha; e, rodando uma grande pedra para a porta do sepulcro, retirou-se.
61 Marea Magatalena le Marea yo mongwe ba bo ba ntse gautshwane ba lebeletse.
61 Mas achavam-se ali Maria Madalena e a outra Maria, sentadas defronte do sepulcro.
62 Mme e rile ka letsatsi le le latelang, e le letsatsi la bofelo la mediro ya Iketleetso, ditlhogo tsa baperesiti le Bafarasai ba ya kwa go Pilatwe,
62 No dia seguinte, isto é, o dia depois da preparação, reuniram-se os principais sacerdotes e os fariseus perante Pilatos,
63 mme ba mo raya ba re, “Morena, moaki yole o kile a re ‘E tlaa re morago ga malatsi a le mararo ke bo ke rula gape’.
63 e disseram: Senhor, lembramo-nos de que aquele embusteiro, quando ainda vivo, afirmou: Depois de três dias ressurgirei.
64 Jalo re kopa taolo mo go wena go kana phuphu go fitlhelela letsatsi la boraro, go itsa barutwa ba gagwe go tla go utswa mmele wa gagwe ba tloga ba raya batho ba re! O tsogile. Fa mo go ka diragala re tlaa nna mo matshwenyegong go gaisa pele.”
64 Manda, pois, que o sepulcro seja guardado com segurança até o terceiro dia; para não suceder que, vindo os discípulos, o furtem e digam ao povo: Ressurgiu dos mortos; e assim o último embuste será pior do que o primeiro.
65 Mme Pilatwe a ba raya a re, “Dirisang mapodisi a lona a Tempele, ba ka e tlhokomela sentle thata.”
65 Disse-lhes Pilatos: Tendes uma guarda; ide, tornai-o seguro, como entendeis.
66 Jalo ba kanela lentswe le le khurumetseng phuphu ba bo ba ntsha masole go e disa.
66 Foram, pois, e tornaram seguro o sepulcro, selando a pedra, e deixando ali a guarda.

Ler em outra tradução

Comparar com outra

Estude este capítulo no WhatsApp

Peça à IA da Bíblia Fala para explicar Mateus 27, comparar traduções ou montar um estudo — tudo direto pelo WhatsApp.