João 18

Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha (TSN) vs NVI

Sair da comparação
NVI Nova Versão Internacional
1 Mme erile Jesu a sena go bua dilo tse, a kgabaganya molatswana wa Kide-rona le barutwa ba gagwe mme a tsena mo sekgweng sa lotlhware.
1 Tendo terminado de orar, Jesus saiu com os seus discípulos e atravessou o vale do Cedrom. Do outro lado havia um olival, onde entrou com eles.
2 Judase wa moraedi, o ne a itse lefelo le, gonne Jesu o ne a sa bolo go nna a ya teng gantsi le barutwa ba gagwe.
2 Ora, Judas, o traidor, conhecia aquele lugar, porque Jesus muitas vezes se reunira ali com os seus discípulos.
3 Ditlhogo tsa baperesiti le Bafarasai di ne di neetse Judase segopa sa masole le mapodisi go mo pata. Mme ba goroga mo sekgweng sa lotlhware ba tshotse dipone tsa mefuta e farologanye ba tshotse le ditlhabani.
3 Então Judas foi para o olival, levando consigo um destacamento de soldados e alguns guardas enviados pelos chefes dos sacerdotes e fariseus, levando tochas, lanternas e armas.
4 — ausente —
4 Jesus, sabendo tudo o que lhe ia acontecer, saiu e lhes perguntou: "A quem vocês estão procurando? "
5 — ausente —
5 "A Jesus de Nazaré", responderam eles. "Sou eu", disse Jesus. ( E Judas, o traidor, estava com eles. )
6 Mme erile a bua jalo, botlhe ba boela kwa morago ba wela fa fatshe.
6 Quando Jesus disse: "Sou eu", eles recuaram e caíram por terra.
7 Mme a ba botsa gape a re, “Lo batla mang?” Mme ba mo fetola gape ba re, “Jesu wa Nasaretha.” Mme Jesu a ba raya a re,
7 Novamente lhes perguntou: "A quem procuram? " E eles disseram: "A Jesus de Nazaré".
8 “Ke lo reile ka re ke Nna, mme ka ke Nna yo lo mpatlang, tlogelang ba bangwe ba, ba tsamaye.”
8 Respondeu Jesus: "Já lhes disse que sou eu. Se vocês estão me procurando, deixem ir embora estes homens".
9 O ne a dira jaana go diragatsa seporofeso se a neng a setse a se buile a re, “Ga ke a latlhegelwa ke ope mo go ba o ba nneileng.”
9 Isso aconteceu para que se cumprissem as palavras que ele dissera: "Não perdi nenhum dos que me deste".
10 Mme Simone Petere a somola chaka a kgaola “tsebe e e ka fa letsogong la moja ya ga Maleko motlhanka wa moperesiti yo mogolo”.
10 Simão Pedro, que trazia uma espada, tirou-a e feriu o servo do sumo sacerdote, decepando-lhe a orelha direita. ( O nome daquele servo era Malco. )
11 Mme Jesu a raya Petere a re, “Somela chaka ya gago. A ga ke a tshwanela go nwa mo senwelong se Rara o se nneileng?”
11 Jesus, porém, ordenou a Pedro: "Guarde a espada! Acaso não haverei de beber o cálice que o Pai me deu? "
12 Mme mapodisi a Sejuta le masole le maotlana a tshwara Jesu a mo golega.
12 Assim, o destacamento de soldados com o seu comandante e os guardas dos judeus prenderam Jesus. Amarraram-no
13 Ba mo tseela “pele” kwa go Anase mogwagadia Kaiafase, Moperesiti yo mogolo mo ngwageng eo.
13 e o levaram primeiramente a Anás, que era sogro de Caifás, o sumo sacerdote naquele ano.
14 Kaiafase e ne e le ene yo o reileng baeteledipele ba Sejuta a re go botoka gore motho a le mongwe fela a swele batho botlhe.
14 Caifás era quem tinha dito aos judeus que seria bom que um homem morresse pelo povo.
15 Simone Petere a ba sala morago, jaaka yo mongwe wa barutwa yo ene a neng a tsalanye le Moperesiti yo Mogolo a ne a dira
15 Simão Pedro e outro discípulo estavam seguindo Jesus. Por ser conhecido do sumo sacerdote, este discípulo entrou com Jesus no pátio da casa do sumo sacerdote,
16 fa Petere a eme fa ntle ga kgoro ya batsena. Mme Morutwa yo a buisanya le mosetsana yo o tlhokometseng kwa kgorong, mme a letlelela Petere go tsena.
16 mas Pedro teve que ficar esperando do lado de fora da porta. O outro discípulo, que era conhecido do sumo sacerdote, voltou, falou com a moça encarregada da porta e fez Pedro entrar.
17 Mosetsana a botsa a re, “A ga o mongwe wa barutwa ba ga Jesu?” Mme Petere a re, “Nnyaa ga ke mongwe wa bone.”
17 Ela então perguntou a Pedro: "Você não é um dos discípulos desse homem? " Ele respondeu: "Não sou".
18 Mme mapodise le batlhanka ba mo lwapeng ba ne ba eme ka dinao ba dikologile molelo o ba neng ba o gotsitse gonne go ne go le serame. Mme Petere a nna foo le bone a ikomosa.
18 Fazia frio; os servos e os guardas estavam ao redor de uma fogueira que haviam feito para se aquecerem. Pedro também estava em pé com eles, aquecendo-se.
19 Mme mo teng ga kgotla ya tshekelo Moperesiti yo Mogolo a simolola go botsa Jesu kaga barutwa ba gagwe le se a neng a ntse a se ba ruta.
19 Enquanto isso, o sumo sacerdote interrogou Jesus acerca dos seus discípulos e dos seus ensinamentos.
20 Jesu a fetola a re, “Se ke se rutang se itsege ka bophara, gonne ke rutile ka gale mo disenagogeng le mo Tempeleng; ke utlwilwe ke baeteledipele ba Sejuta botlhe mme ga ke rute sepe mo sephiring se ke sa se buang mo ponong ya mongwe le mongwe.
20 Respondeu-lhe Jesus: "Eu falei abertamente ao mundo; sempre ensinei nas sinagogas e no templo, onde todos os judeus se reúnem. Nada disse em segredo.
21 Ke eng fa o mpotsa potso e? Botsa ba ba nkutlwileng. O na le bangwe ba bone fano. Ba itse se ke se buileng.”
21 Por que me interrogas? Pergunta aos que me ouviram. Certamente eles sabem o que eu disse".
22 Mongwe wa masole a a emeng foo a ngadibola Jesu ka lebole a mmotsa a re, “A ke yone tsela ya go araba Moperesiti yo Mogolo eo?”
22 Quando Jesus disse isso, um dos guardas que estava perto bateu-lhe no rosto. "Isso é jeito de responder ao sumo sacerdote? ", perguntou ele.
23 Mme Jesu a fetola a re. “Fa ke buile maaka, ntsha bosupi, a o tshwanetse go iteela motho go bua boammaaruri?”
23 Respondeu Jesus: "Se eu disse algo de mal, denuncie o mal. Mas se falei a verdade, por que me bateu? "
24 Mme Anase a romela Jesu a golegilwe kwa go Kaiafase Moperesiti yo Mogolo.
24 Então, Anás enviou Jesus, de mãos amarradas, a Caifás, o sumo sacerdote.
25 Mme ya re ka lobaka loo, fa Simone Petere a sa ntse a eme fa molelong, a bodiwa gape gatwe, “A ga o mongwe wa barutwa ba gagwe?” Mme ene a fetola a re, “Nnyaa,”
25 Enquanto Simão Pedro estava se aquecendo, perguntaram-lhe: "Você não é um dos discípulos dele? " Ele negou, dizendo: "Não sou".
26 Mme mongwe wa batlhanka ba mo lwapeng lwa Moperesiti yo mogolo, wa losika lwa monna yo o neng a kgaotswe tsebe ke Petere, a botsa a re, “A ga ke a go bona kwa sekgweng sa lotlhware o na le Jesu?”
26 Um dos servos do sumo sacerdote, parente do homem cuja orelha Pedro decepara, insistiu: "Eu não o vi com ele no olival? "
27 Mme Petere a itatola gape. Mme ka bofefo mokoko wa lela.
27 Mais uma vez Pedro negou, e no mesmo instante um galo cantou.
28 Go sekisiwa ga ga Jesu ke Kaiafase ga fela maphakela thata. Go tsweng foo a tseelwa kwa kgotleng ya Molaodi wa Mmuso wa Roma. Basekisi ba gagwe ba seka ba tsena mo teng gonne ba ne ba re, go ne go tlaa ba “itshekolola”, le gone ba ne ba sena go letlelelwa go ja kwanyana ya Tlolaganyo.
28 Em seguida, de Caifás os judeus levaram Jesus para o Pretório. Já estava amanhecendo e, para evitar contaminação cerimonial, os judeus não entraram no Pretório; pois queriam participar da Páscoa.
29 Mme Pilatwe molaodi wa mmuso wa Roma, a ya kwa ntle kwa go bone a botsa a re, “Lo bona monna yo molato wa eng? Lo mmona molato wa go dira eng.”
29 Então Pilatos saiu para falar com eles e perguntou: "Que acusação vocês têm contra este homem? "
30 Mme ba fetola ka go gakala ba re, “Fa e ka bo ene e se serukutlhi re ka bo re sa mo tshwara!”
30 Responderam eles: "Se ele não fosse criminoso, não o teríamos entregado a ti".
31 Mme Pilatwe a ba raya a re, “Mo tseyeng lo mo atlhole lo le nosi ka melao ya lona.” Mme ba re, Mme kana re batla a bapolwa, mme, re batla tetlelelo ya gago
31 Pilatos disse: "Levem-no e julguem-no conforme a lei de vocês". "Mas nós não temos o direito de executar ninguém", protestaram os judeus.
32 Se se ne sa rurifatsa kakanyetsopele ya ga Jesu ka ga tsela e a tla bolawang ka yone.
32 Isso aconteceu para que se cumprissem as palavras que Jesus tinha dito, indicando a espécie de morte que ele estava para sofrer.
33 Mme Pilatwe a boela kwa kgotleng ya gagwe ya tshekelo a laola gore Jesu a leriwe kwa go ene. Ammotsa a re, “A o Kgosi ya Bajuta?”
33 Pilatos então voltou para o Pretório, chamou Jesus e lhe perguntou: "Você é o rei dos judeus? "
34 Jesu a botsa a re, “A le wena wa re ke ‘Kgosi’ kgotsa o bua kafa Bajuta ba buang ka teng.”
34 Perguntou-lhe Jesus: "Essa pergunta é tua, ou outros te falaram a meu respeito? "
35 Pilatwe a botsa ka kgakalo a re, “A ke Mojuta? Batho ba gaeno le ditlhogo tsa bone tsa baperesiti ba go lerile kwano. Ka ntlha yang? O dirile eng?”
35 Respondeu Pilatos: "Acaso sou judeu? Foram o seu povo e os chefes dos sacerdotes que entregaram você a mim. Que é que você fez? "
36 Mme Jesu a araba a re, “Ga ke Kgosi ya lefatshe. Fa ke ne ke le yone, balatedi ba me ba ka bo ba lole fa ke tshwarwa ke baeteledipele ba Sejuta. Mme bogosi jwa me ga se jwa lefatshe.”
36 Disse Jesus: "O meu Reino não é deste mundo. Se fosse, os meus servos lutariam para impedir que os judeus me prendessem. Mas agora o meu Reino não é daqui".
37 Pilatwe a fetola a re, “Ee, fa e le gore go ntse jalo o Kgosi?” Jesu a re, “Ee, ke tsaletswe gone moo. Mme ke tletse go lere boammaaruri mo lefatsheng. Botlhe ba ba ratang boammaaruri ke balatedi ba me.”
37 "Então, você é rei! ", disse Pilatos. Jesus respondeu: "Tu dizes que sou rei. De fato, por esta razão nasci e para isto vim ao mundo: para testemunhar da verdade. Todos os que são da verdade me ouvem".
38 Pilatwe a botsa a re, “Boammaaruri ke eng?” Mme a boela a tswela gape kwa ntle kwa bathong a ba raya a re, “Ga a na molato ope wa borukutlhi motho yo.
38 "Que é a verdade? ", perguntou Pilatos. Ele disse isso e saiu novamente para onde estavam os judeus e disse: "Não acho nele motivo algum de acusação.
39 Mme lo na le ngwao ngwaga le ngwaga ya go nkopa go lo gololela mongwe mo kgolegelong fa go le Tlolaganyo. Mme fa lo batla ke dira jalo, ke tlaa golola ‘Kgosi ya Bajuta’.”
39 Contudo, segundo o costume de vocês, devo libertar um prisioneiro por ocasião da Páscoa. Querem que eu solte ‘o rei dos judeus’? "
40 Mme ba goa ba re, “Nnyaa! E seng monna yo, e leng Barabase!” Barabase e ne e le serukutlhi.
40 Eles, em resposta, gritaram: "Não, ele não! Queremos Barrabás! " Ora, Barrabás era um bandido.

Ler em outra tradução

Comparar com outra

Estude este capítulo no WhatsApp

Peça à IA da Bíblia Fala para explicar João 18, comparar traduções ou montar um estudo — tudo direto pelo WhatsApp.