Atos 23

Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha (TSN) vs NTLH

Sair da comparação
NTLH Nova Tradução na Linguagem de Hoje 2000
1 Mme erile Paulo a tsepega matlho mo go ba lekgotla, a ba raya a re, “Bagaetsho, ke ntse ke tshela fa pele ga Modimo ka pelo e e siameng!”
1 Então Paulo olhou firmemente para os membros do Conselho e disse: — Meus irmãos, tenho vivido até hoje com a consciência limpa diante de Deus.
2 Ka bonako Ananiase Moperesiti yo mogolo a laola gore ba ba gaufi le Paulo ba mo itee mo molomong.
2 Mas Ananias, o Grande Sacerdote , mandou que os homens que estavam perto de Paulo dessem um tapa na boca dele.
3 Mme Paulo a mo raya a re, “Modimo o tlaa go itaya, wena yo o leng lobota lo lo takilweng. O molaodi yo o ntseng jang yo o tlolang molao ka go laola gore ke itewe?”
3 Aí Paulo disse a Ananias: — Hipócrita, Deus o castigará por isso! Você está sentado aí para me julgar de acordo com a
4 Mme ba ba neng ba eme go bapa le Paulo ba mo raya ba re, “A ke yone tsela ya go bua le moperesiti yo mogolo wa Modimo”.
4 Os homens que estavam perto de Paulo perguntaram: — Você está insultando o Grande Sacerdote, o
5 Mme Paulo a fetola a re, “Ke ne ke sa itse gore a ke Moperesiti yo mogolo, bagaetsho, gonne Dikwalo tsa re, ‘O seka wa ba wa bua bosula kaga ope wa balaodi ba gago.’ ”
5 Paulo respondeu: — Meus irmãos, eu não sabia que ele é o Grande Sacerdote. Pois as
6 Mme Paulo a akanya kaga sengwe! Bontlha bongwe jwa batho e ne e le Basadukai mme jo bongwe e le Bafarasai! Mme o ne a goa a re, “Bagaetsho, ke Mofarasai fela jaaka borraetsho mogologolwane mme ke sekisiwa fa gompieno ka gore ke dumela mo tsogong ya baswi!”
6 Quando Paulo percebeu que alguns do Conselho eram do partido dos saduceus e outros do partido dos fariseus , disse bem alto: — Meus irmãos, eu sou fariseu e filho de fariseus. Estou aqui sendo julgado porque creio que os mortos vão ressuscitar.
7 Mme mo go ne ga kgaoganya lekgotla ka bogare, Bafarasai ba nna kgatlhanong le Basadukai,
7 Assim que ele disse isso, os fariseus e os saduceus começaram a discutir, e o Conselho se dividiu.
8 gonne Basadukai ba re ga go na tsogo ya baswi kgotsa baengele kgotsa le mowa wa bosenabokhutlo mo go rona, mme Bafarasai bone ba dumela mo go tse tsotlhe.
8 É que os saduceus não creem que os mortos vão ressuscitar, nem que existem anjos ou espíritos; mas os fariseus creem nessas coisas.
9 Jalo ga tsoga modumo o mogolo. Bangwe ba baeteledipele ba Bajuta ba tlola ba re Paulo o bua sentle. Ba ne ba goa ba re, “Rona ga re bone molato ope mo go ene, gongwe mowa kgotsa moengele o buile le ene [gone mo tseleng ya Damaseko].”
9 E assim a gritaria aumentou ainda mais. Então alguns mestres da Lei que pertenciam ao partido dos fariseus se levantaram e protestaram. Eles disseram: — Não vemos nenhum mal neste homem. Pode ser mesmo que um anjo ou um espírito tenha falado com ele.
10 Modumo o ne wa golela kwa pele, mme batho ba rutha Paulo mo ditlhakoreng tsoopedi ba mo gogela kwa le kwa. La bofelo molaodi, a laola gore masole a gagwe a mo tseye mo go bone ka dikgoka go mmusetsa mo kagong ya batlhabani ka gore o ne a tshaba gore ba tloga ba mo gagolaka.
10 A briga chegou a tal ponto, que o comandante ficou com medo de que Paulo fosse despedaçado por eles. Por isso mandou os guardas descerem para tirar Paulo do meio deles e o levar de volta para a fortaleza.
11 Mo bosigong joo Morena o ne a ema Paulo fa lotlhakoreng a mo raya a re, “Se tlhobaele, Paulo; fela jaaka o boleletse batho ka ga me mo Jerusalema, o tshwanetse go dira fela jalo le mo Roma.”
11 Na noite seguinte o Senhor Jesus apareceu a Paulo e disse:
12 — ausente —
12 Na manhã seguinte alguns judeus se ajuntaram e juraram que não iam comer nem beber nada enquanto não matassem Paulo.
13 — ausente —
13 Os homens que combinaram fazer isso eram mais de quarenta.
14 Mme ba ya kwa bape-resiting ba bagolo le bagolwane ba ya go ba bolelela se ba se dirileng.
14 Eles foram falar com os chefes dos sacerdotes e com os líderes do povo e disseram: — Nós fizemos o seguinte juramento: “Que Deus nos amaldiçoe se comermos ou bebermos qualquer coisa enquanto não matarmos Paulo.”
15 Ba ne ba kopa jaana, “Re kopa gore molaodi wa masole a busetse Paulo mo lekgo-tleng, lo dire jaaka o ka re lo batla go mmotsa dipotso gape. Rona re tlaa mmolaya mo tseleng.”
15 Agora vocês e o Conselho Superior , mandem pedir ao comandante que traga Paulo aqui. Digam que estão querendo examinar melhor o caso dele. Então, antes que ele chegue, nós estaremos prontos para matá-lo.
16 Mme setlogolo sa ga Paulo sa lemoga leano la bone le le bosula mme a ya kwa kagong ya batlhabani a bolelela Paulo.
16 Mas o filho da irmã de Paulo ficou sabendo do plano; ele entrou na fortaleza e contou tudo a Paulo.
17 Mme Paulo a bitsa mongwe wa bagolwane a mo raya a re, “Tsaya mosimane yo o mo ise kwa go molaodi. O na le sengwe sa botlhokwa go se mmolelela.”
17 Então Paulo chamou um dos oficiais e disse: — Leve este moço ao comandante. Ele tem uma coisa para contar a ele.
18 Jalo mogolwane a dira jalo, a feta a tlhalosa a re, “Legolegwa Paulo, o mpiditse mme a kopa gore ke tlise mosimane yo kwano go wena go go bolelela sengwe.”
18 O oficial levou o moço ao comandante e disse: — Aquele preso que se chama Paulo mandou me chamar e pediu que eu trouxesse este moço porque ele tem uma informação para o senhor.
19 Molaodi a tshwara mosimane ka seatla, a mo gogela kwa thoko a mmotsa a re, “Ke eng se o batlang go se mpolelela mosimane?”
19 O comandante pegou o moço pela mão, levou-o para um lado e perguntou: — O que é que você tem para me contar?
20 Mme mosimane a mo raya a re, “Ka moso Bajuta ba tlaa tla go kopa gore o tlise Paulo mo lekgotleng gape, ba dira jaaka o ka re ba batla go tlhotlhomisa thata ka ga gagwe.
20 Ele respondeu: — Alguns judeus combinaram pedir ao senhor que leve Paulo amanhã ao Conselho Superior, com a desculpa de quererem examinar melhor o caso dele.
21 Mme o seka wa dira jalo! Go na le banna ba feta masome a mane ba ba iphitlhileng go bapa le tsela ba ipaakanyeditse go mo tlolela ba mmolaya. Ba ipopile ka maikano a gore ba seka ba ja kgotsa baa nwa go fitlhelela a a swa. Ba mo laletse teng koo, ba lebeletse gore o dumalane le kopo ya bone.”
21 Mas não acredite nisso, pois mais de quarenta deles vão ficar escondidos esperando Paulo para o matar. Todos eles fizeram este juramento: “Que Deus nos amaldiçoe se comermos ou bebermos qualquer coisa antes de termos matado Paulo.” Eles estão prontos para cumprir o juramento e esperam apenas saber o que o senhor vai resolver.
22 Mme molaodi o ne a tlhagisa mosimane a re, “O seka wa ba wa dira gore mongwe a itse gore o mpoleletse selo se.”
22 Então o comandante respondeu: — Não diga a ninguém que você me contou isso. E mandou que o moço fosse embora.
23 — ausente —
23 Então o comandante chamou dois oficiais e disse: — Arranjem duzentos soldados, e mais setenta cavaleiros, e duzentos lanceiros para ir até a cidade de Cesareia. Estejam prontos para sair daqui às nove horas da noite.
24 — ausente —
24 Preparem também cavalos para Paulo montar e o levem com toda a segurança para o governador Félix.
25 Mme a kwalela Felise lokwalo lo lo buang jaana:
25 Depois o comandante escreveu uma carta que dizia o seguinte:
26 “Go tswa kwa go Kalaudio Lusia, Lo ya kwa go Motlotlegi Kgosana Felise, Ditumediso!
26 “Excelentíssimo Governador Félix, “Saudações.
27 “Monna yo o ne a gapilwe ke Bajuta mme ba ne ba batla go mmolaya mme ke romela masole gore ba mo falotshe, gonne ke ne ke utlwile fa e le Mo-Roma.
27 “Alguns judeus agarraram este homem e quase o mataram. Quando soube que ele era cidadão romano, eu fui com os meus soldados e não deixei que ele fosse morto.
28 Mme ke ne ka mo isa kwa lekgotleng la bone go bona se a se dirileng.
28 Eu queria saber por que o estavam acusando e por isso resolvi levá-lo diante do Conselho Superior dos judeus.
29 Mme ka bofefo ka lemoga fa e le sengwe kaga ditumelo tsa bone tsa Sejuta, mme tota go sena sepe se se neng se supa gore o ka tsenngwa mo kgolegelong kgotsa a bolawa.
29 Então descobri que ele não tinha feito nada para merecer a prisão ou a morte. A acusação contra ele era a respeito da própria lei deles.
30 Mme erile ke bolelelwa ka leano la go mmolaya, ka tlelwa ke kakanyo ya go mo romela kwa go wena mme ke tlaa laela ba ba mmonyeng molato go tlisa dikatlholo tsa bone fa pele ga gago.”
30 Quando fui informado de que havia um plano para matá-lo, resolvi mandá-lo ao senhor. E disse para aqueles judeus que fizessem as acusações na sua presença. “Saúde. “Cláudio Lísias.”
31 Mme erile bosigo joo, jaaka go laotswe masole a isa Paulo kwa Antipateri.
31 Então os soldados cumpriram as ordens. Pegaram Paulo e o levaram durante a noite até a cidade de Antipátride.
32 Mme ba boela kwa kagong ya batlhabani moso o o latelang, ba mo tlogela le bapalami ba dipitse gore ba mo ise kwa Kaesarea.
32 No dia seguinte os soldados voltaram para a fortaleza, deixando que os cavaleiros continuassem a viagem com Paulo.
33 Erile ba goroga kwa Kaesarea, ba neela Kgosana Paulo le lokwalo.
33 Eles o levaram para a cidade de Cesareia, deram a carta ao Governador e lhe entregaram Paulo.
34 O ne a bala lokwalo mme a botsa Paulo gore o tswa kae. Paulo a araba a re, “Ke tswa Kilikia.”
34 O Governador leu a carta e perguntou a Paulo de onde ele era. Quando soube que era da região da Cilícia,
35 Kgosana ya mo raya ya re, “Ke tlaa utlwa kgang ya gago sentle fa ba ba go bonyeng molato ba tla,” mme a laola gore Paulo a tshegediwe mo kgolegelong e e mo kagong ya Bogosi ya ga Kgosi Herode.
35 disse: — Quando os seus acusadores chegarem, eu ouvirei o que você tem para dizer. Em seguida mandou que ele ficasse preso no palácio do Governador .

Ler em outra tradução

Comparar com outra

Estude este capítulo no WhatsApp

Peça à IA da Bíblia Fala para explicar Atos 23, comparar traduções ou montar um estudo — tudo direto pelo WhatsApp.