2 Coríntios 5
Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha (TSN) vs NVI
1 Gonne re itse gore fa motlaagana (mmele) o, o re nnang mo go one o rutlololwa, fa ree swa re tlogela mebele e, re tlaa nna le mebele e mesha e mentle kwa legodimong, magae a e tlaa nnang a rona ka bosakhutleng, a re a diretsweng ke Modimo, e seng ka diatla tsa batho.
1 Sabemos que, se for destruída a temporária habitação terrena em que vivemos, temos da parte de Deus um edifício, uma casa eterna no céu, não construída por mãos humanas.
2 Re lapisiwa ke mebele ya rona; ke gone ka moo re lebeletseng letsatsi thata le re tlaa nnang le mebele ya selegodimo e re tlaa e aparang jaaka diaparo tse dintsha.
2 Enquanto isso, gememos, desejando ser revestidos da nossa habitação celestial,
3 Gonne re tlaa bo re se mewa fela e e senang mebele.
3 porque, estando vestidos, não seremos encontrados nus.
4 Mebele e ya selefatshe e re dira gore re fegelwe re bo re gogomoge, mme ga re nke re rata go akanya kaga loso le go tlhoka mebele gotlhelele. Re batla go nna mo mebeleng e mesha ya rona gore mebele e e swang, e, jaaka e ne e ntse, e tle e mediwe ke botshelo jo bosakhutleng.
4 Pois, enquanto estamos nesta casa, gememos e nos angustiamos, porque não queremos ser despidos, mas revestidos da nossa habitação celestial, para que aquilo que é mortal seja absorvido pela vida.
5 Se ke se Modimo o re se baakanyeditseng, mme go tlhomamisa se, wa re naya Mowa wa one O O Boitshepo.
5 Foi Deus que nos preparou para esse propósito, dando-nos o Espírito como garantia do que está por vir.
6 Jaanong re lebeletse ka boikanyego mebele ya rona ya selegodimo, re lemoga gore nako nngwe le nngwe e re e senyang mo mebeleng e eya selefa-tshe ke nako e e senyegileng mo legaeng la rona la bosakhutleng kwa legodimong le Jesu.
6 Portanto, temos sempre confiança e sabemos que, enquanto estamos no corpo, estamos longe do Senhor.
7 Re itse gore dilo tse di boammaaruri ka go dumela, e seng ka go bona.
7 Porque vivemos por fé, e não pelo que vemos.
8 Le gone ga re boife, mme re itumelela go swa, gonne re tlaa bo re le kwa gae le Morena.
8 Temos, pois, confiança e preferimos estar ausentes do corpo e habitar com o Senhor.
9 Jalo maikemisetso a rona ke go mo itumedisa ka metlha yotlhe mo go sengwe le sengwe se re se dirang, le fa re le fano mo mmeleng o, kgotsa re le kgakala le mmele o, mme re na le ene kwa legodimong.
9 Por isso, temos o propósito de lhe agradar, quer estejamos no corpo, quer o deixemos.
10 Gonne re tshwanetse rotlhe go ema fa pele ga ga Keresete go atlholwa le matshelo a rona go bewa mo pepeneneng fa pele ga gagwe. Mongwe le mongwe wa rona o tlaa amogela sengwe le sengwe se se mo tshwanetseng sa dilo tse di molemo kgotsa tse di maswe tse o di dirileng mo mmeleng wa gagwe wa selefatshe.
10 Pois todos nós devemos comparecer perante o tribunal de Cristo, para que cada um receba de acordo com as obras praticadas por meio do corpo, quer sejam boas quer sejam más.
11 Ke ka ntlha ya go boifa Morena ka tlhwaafalo, e e nnang ka metlha yotlhe mo megopolong ya rona, gore re dire thata go gapa ba bangwe. Mo-dimo o itse dipelo tsa rona, gore di itshekile mo selong se, ebile ke solofela gore, mo botennyeng jwa dipelo tsa lona, le lona lo a bo itse.
11 Uma vez que conhecemos o temor ao Senhor, procuramos persuadir os homens. O que somos está manifesto diante de Deus, e esperamos que esteja manifesto também diante da consciência de vocês.
12 A re leka go ikopaopela mo mekwatleng gape? Nnyaa, ke lo naya ditlhabano tse di siameng! Lo ka di dirisa mo barering bao ba lona ba ba ikgantshang ka go bonala sentle le go rera ga bone, mme ba se na dipelo tsa boammaaruri tsa boikanyego. Lo ka ipelafatsa ka rona ka gore, re ikaeletse sentle ebile re a ikanyega.
12 Não estamos tentando novamente recomendar-nos a vocês, porém lhes estamos dando a oportunidade de exultarem em nós, para que tenham o que responder aos que se vangloriam das aparências e não do que está no coração.
13 — ausente —
13 Se enlouquecemos, é por amor a Deus; se conservamos o juízo, é por amor a vocês.
14 — ausente —
14 Pois o amor de Cristo nos constrange, porque estamos convencidos de que um morreu por todos; logo, todos morreram.
15 O swetse botlhe gore botlhe ba ba tshelang, ba amogele botshelo jo bosakhutleng mo go Ene, ba se ka ba tlhola ba itshelela, go iitumedisa, mme e le go dirisa matshelo a bone go itumedisa Keresete yo o ba swe-tseng a bo a ba tsogela.
15 E ele morreu por todos para que aqueles que vivem já não vivam mais para si mesmos, mas para aquele que por eles morreu e ressuscitou.
16 Jalo lesang go sekaseka Bakeresete ka se lefatshe le se akanyang kaga bone kgotsa ka fa ba bonalang ba ntse ka teng ka fa ntle. Ke kile ka fosa ka go akanyetsa Keresete ka mokgwa oo, e le motho fela jaaka nna. Ke ikutlwa ke fetogile jang jaanong.
16 De modo que, de agora em diante, a ninguém mais consideramos do ponto de vista humano. Ainda que antes tenhamos considerado a Cristo dessa forma, agora já não o consideramos assim.
17 Fa mongwe a nna Mokeresete o nna motho yo mosha mo teng gotlhelele. Ga a tlhole a tshwana le jaaka pele. Botshelo jo bosha bo simologile!
17 Portanto, se alguém está em Cristo, é nova criação. As coisas antigas já passaram; eis que surgiram coisas novas!
18 Dilo tse tsotlhe tse dintsha di tswa mo Modimong o o re buseditseng mo go one ka se Keresete Jesu a se dirileng. Mme Modimo o re neile tshwanelo ya go tlhotlheletsa mongwe le mongwe go tla mo thatong ya one le go letlanngwa nae.
18 Tudo isso provém de Deus, que nos reconciliou consigo mesmo por meio de Cristo e nos deu o ministério da reconciliação,
19 Gonne Modimo o ne o le mo go Keresete, go busetsa lefatshe mo go one, o sa tlhole o bala dibe tsa batho fa e se go di phimola. O ke molaetsa o montle o o o re neetseng go o bolelela ba bangwe.
19 ou seja, que Deus em Cristo estava reconciliando consigo o mundo, não lançando em conta os pecados dos homens, e nos confiou a mensagem da reconciliação.
20 Re barongwa ba ga Keresete. Modimo o a re dirisa go bua le lona: re a lo Kopa, jaanong ekete Keresete ka bo ene o fano o a lo kopa, amogelang lorato lo o lo lo nayang, nnang le tetlano le Modimo.
20 Portanto, somos embaixadores de Cristo, como se Deus estivesse fazendo o seu apelo por nosso intermédio. Por amor a Cristo lhes suplicamos: Reconciliem-se com Deus.
21 Gonne Modimo o tshotse Keresete yo o senang boleo mme a tshela mo go ene dibe tsa rona. Ke gone, mo kananyong, o tshetseng tshiamo ya one mo go rona.
21 Deus tornou pecado por nós aquele que não tinha pecado, para que nele nos tornássemos justiça de Deus.
Atalhos do teclado
- Capítulo anterior←
- Próximo capítulo→
- Versículo anteriork
- Próximo versículoj
- Limpar seleçãoEsc
- Esta ajuda?
Estude este capítulo no WhatsApp
Peça à IA da Bíblia Fala para explicar 2 Coríntios 5, comparar traduções ou montar um estudo — tudo direto pelo WhatsApp.