1 Coríntios 4
Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha (TSN) vs VC
1 Jalo Apolose le nna re tshwanetse go le bega re le batlhanka ba ga Keresete ba ba abang tshegofatso ya Modimo ka go tlhalosa diphiri tsa one.
1 Que os homens nos considerem, pois, como simples operários de Cristo e administradores dos mistérios de Deus.
2 Jaanong selo se se botlhokwa kaga motlhanka ke gore a dire fela jaaka mong wa gagwe a mmolelela.
2 Ora, o que se exige dos administradores é que sejam fiéis.
3 Lwa reng ka ga me? A ke ne ke le motlhanka yo o siameng? Ga ke tshwenyege gore lo akanyang kaga se, kgotsa ka se mongwe fela a se akanyang. Ga ke tshephe le yone katlholo ya me mo ntlheng e.
3 A mim pouco se me dá ser julgado por vós ou por tribunal humano, pois nem eu me julgo a mim mesmo.
4 Maikutlo a me a bonala sentle, mme le fa seo e se sesupo sa bofelo, ke Morena ka boene yo o tshwanetseng go ntshekatsheka a bo a nkakanyetsa.
4 De nada me acusa a consciência; contudo, nem por isso sou justificado. Meu juiz é o Senhor.
5 Jalo itlhokomeleng gore lo se ka lwa atlhola pele ga Morena gore a mongwe ke motlhanka yo o molemo kgotsa nnyaa. Fa Morena a tla, o tlaa ntsha lesedi gore mongwe le mongwe a tle a bone sentle gore mongwe le mongwe wa rona o ntse jang, mo teng ga dipelo tsa rona. Ke gone mongwe le mongwe o tlaa itseng gore ke eng fa re ne re dira tiro ya Morena. Ka lobaka loo Modimo o tlaa naya mongwe le mongwe tlotlego nngwe le nngwe e e tlang mo go ene.
5 Por isso, não julgueis antes do tempo; esperai que venha o Senhor. Ele porá às claras o que se acha escondido nas trevas. Ele manifestará as intenções dos corações. Então cada um receberá de Deus o louvor que merece.
6 Ke dirisitse Apolose le nna jaaka dikai go supa se ke ntseng ke se bua: gore lo se ka lwa nna le ba lo ba ratang thata. Ga lo a tshwanela go ikgantsha ka mongwe wa baruti ba Modimo go feta ba bangwe.
6 Se apliquei tudo isso a mim e a Apolo foi por vossa causa, para que, por meio de nós, aprendais a não ultrapassar o que está escrito e para que vos não ensoberbeçais tomando partido a favor de um e com prejuízo de outrem.
7 Lo ikgogomositse kaga eng? Lo na le eng se Modimo o sa lo se nayang? Mme fa tsotlhe tse lo nang natso di tswa kwa Modimong, ke eng fa lo itira jaaka ekete lo kwa godimo thata le jaaka o kare lo iponetse sengwe ka bo-lona?
7 O que há de superior em ti? Que é que possuis que não tenhas recebido? E, se o recebeste, por que te glorias, como se o não tivesses recebido?
8 Go bonala gore lo akanya gore lo setse lo na le dijo tsotlhe tsa semowa tse lo di tlhokang. Lo kgotsofetse mo moweng, lo dikgosi tse di humileng tse di ntseng mo ditilong tsa bogosi. Rona lo re tlogetse kwa moragorago! Ke eletsa gore lo ka bo lo le mo ditilong tsa lona tsa bogosi, gonne lobaka loo lo tlaa tlhomamisa gore le rona re tlaa nna teng, re busa le lona.
8 Já estais fartos! Já estais ricos! Sem nós, sois reis! Praza a Deus que reineis, de fato, para que também nós reinemos convosco!
9 Ka nako tse dingwe ke akanya gore Modimo o re beile baaposetoloi kwa moragorago jaaka magolegwa a a tlogang a bolawa, gore kwa bofelong re tle re dirwe segakgamalelwa sa popelelo ya bafenyi, gore re tle re bonwe ke batho le baengele.
9 Porque, ao que parece, Deus nos tem posto a nós, apóstolos, na última classe dos homens, por assim dizer sentenciados à morte, visto que fomos entregues em espetáculo ao mundo, aos anjos e aos homens.
10 Lwa re, tumelo e re dirile dieleele mme le fa go ntse jalo lotlhe lo Bakeresete ba ba botlhale ba ba nang le ditlhaloganyo! Re bokoa, ee mme e seng lona! Lo tlotlegile thata, fa rona re tshegwa.
10 Nós, estultos por causa de Cristo; e vós, sábios em Cristo! Nós, fracos; e vós, fortes! Vós, honrados; e nós, desprezados!
11 Go fitlhelela jaanong, re tshwerwe ke tlala le lenyora, re bile ga re na diaparo tse di lekaneng go re thuthafatsa. Re ragakilwe re sena magae a e leng a rona.
11 Até esta hora padecemos fome, sede e nudez. Somos esbofeteados, somos errantes,
12 Re dirile ka letsapa le legolo ka diatla tsa rona gore re tshele. Re segofaditse ba ba neng ba re hutsa. Re ne ra nna pelotelele mo go ba ba neng ba re tlhokofatsa.
12 fatigamo-nos, trabalhando com as nossas próprias mãos. Insultados, abençoamos; perseguidos, suportamos; caluniados, consolamos!
13 Re fetotse ka bonolo fa dilo tse di bosula di buiwa ka rona, lefa go ntse jalo go fitlha mo lobakeng lo re tshwana le leswe le le ka fa tlase ga lonao, jaaka matlakala.
13 Chegamos a ser como que o lixo do mundo, a escória de todos até agora...
14 Ga ke kwale dilo tse go lo tlhabisa ditlhong, fa e se go lo tlhagisa le go lo gakolola jaaka bana ba ba rategang.
14 Não vos escrevo estas coisas para vos envergonhar, mas admoesto-vos como meus filhos muitos amados.
15 Gonne le fa lo ka nna le ba bangwe ba le dikete di le lesome go lo ruta kaga Keresete, gakologelwang gore lo na le nna fela jaaka Rraa lona. Gonne ke nna yo ke lo tlisitseng mo go Keresete fa ke lo rerela Mafoko a a Modimo.
15 Com efeito, ainda que tivésseis dez mil mestres em Cristo, não tendes muitos pais; ora, fui eu que vos gerei em Cristo Jesus pelo Evangelho.
16 Jalo ke lo kopa go latela sekao sa me, mme lo dire jaaka ke dira.
16 Por isso, vos conjuro a que sejais meus imitadores.
17 Ke gone ka moo re rometseng Timotheo kwa go lona, go lo thusa go dira se. Gonne ke mongwe wa ba ke ba gapetseng mo go Keresete, ngwana yo o rategang yo o ikanyegang mo Moreneng. O tlaa lo gakolola kaga se ke se rutang mo diphuthegong tsotlhe tse ke tsamayang mo go tsone.
17 Para isso é que vos enviei Timóteo, meu filho muito amado e fiel no Senhor. Ele vos recordará as minhas normas de conduta, tais como as ensino por toda parte, em todas as igrejas.
18 Ke a itse gore bangwe ba lona ba tlaa ikgogomosa, ba gopola gore ke tshaba go tla go dira le lona.
18 Alguns, presumindo que eu não mais iria ter convosco, encheram-se de orgulho.
19 Mme ke tlaa tla, le gone ka bonako, fa Morena a ntetla, mme ke tlaa bona gore a baikgantshi ba, a ke babalabadi fela kgotsa a ruri ba na le nonofo ya Modimo.
19 Mas brevemente irei ter convosco, se Deus quiser, e tomarei conhecimento não do que esses orgulhosos falam, mas do que são capazes.
20 Bogosi jwa Modimo ga se go bua fela. Ke go tshela ka nonofo ya Modimo.
20 Porque o Reino de Deus não consiste em palavras, mas em atos.
21 Lo tlhopha gofe? A ke ke tle ka kotlhao le komano kgotsa ke tle ka lorato le bonolo?
21 Que preferis? Que eu vá visitar-vos com a vara, ou com caridade e espírito de mansidão?
Atalhos do teclado
- Capítulo anterior←
- Próximo capítulo→
- Versículo anteriork
- Próximo versículoj
- Limpar seleçãoEsc
- Esta ajuda?
Estude este capítulo no WhatsApp
Peça à IA da Bíblia Fala para explicar 1 Coríntios 4, comparar traduções ou montar um estudo — tudo direto pelo WhatsApp.