1 Coríntios 13

Biblica® Open Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha (TSN) vs BKJ

Sair da comparação
1 Fa ke ne ke na le mpho ya go kgona go bua dipuo tse dingwe tse ke sa di ithutang le go ka bua puo nngwe le nngwe e e mo legodimong le mo lefatsheng lotlhe, mme ke sa rate ba bangwe, ke tlaa bo ke ne ke tsosa modumo fela.
1 Ainda que eu falasse as línguas dos homens e dos anjos, e não tivesse caridade, eu me tornaria como o bronze ressoante ou um címbalo tilintante.
2 Fa ke ne ke na le mpho ya go porofesa ebile ke itse tsotlhe tse di tlaa diragalang mo lobakeng lo lo tlang, ke itsile sengwe le sengwe kaga sengwe le sengwe, mme ke sa rate ba bangwe, go ne go ka dira molemo wa eng? Le fa ke ne ke na le mpho ya tumelo mo e leng gore ke ne ke ka bua le thaba ka e dira gore e sute, ke ne ke tlaa bo ke santse ke sena mosola gotlhelele fa ke sena lorato.
2 E ainda que eu tivesse o dom de profecia, e entendesse todos os mistérios, e todo o conhecimento, e ainda que eu tivesse toda a fé, de tal maneira que eu pudesse remover montes e não tivesse caridade, eu nada seria.
3 Fa ke abetse bahumanegi sengwe le sengwe se ke nang naso, le fa e le gore ke tshubetswe go rera Mafoko a a Molemo, mme ke ne ke sa rate ba bangwe, go ka bo go sena molemo ope.
3 E ainda que eu distribuísse todos os meus bens para alimentar os pobres, e ainda que eu entregasse o meu corpo para ser queimado, e não tivesse caridade, de nada me aproveitaria.
4 Lorato lo pelotelele lo bile lo pelonomi, ga lo pelotshetlha kgotsa lefufa, ga lo ikgantshe kgotsa go ipelafatsa,
4 A caridade é sofredora, e é benigna; a caridade não é invejosa; a caridade não se vangloria, não se envaidece,
5 ga lo ikgodise kgotsa ga lo ikgapele ebile ga lo makgakga. Lorato ga lo batle tsela ya lone fela. Ga lo rumolesege kgotsa go amega. Ga lo tshole ka pelo ebile ga lo nke lo tlhokomela le fa ba bangwe ba lo direla phoso.
5 não se comporta indecentemente, não busca os seus interesses, não se irrita facilmente, não pensa mal;
6 Ga lo ko lo itumelela tshiamololo mme lo itumelela boammaaruri ka nako tsotlhe.
6 não se regozija com a iniquidade, mas regozija com a verdade;
7 Fa o rata yo mongwe o tlaa nna le boammaaruri mo go ene go sa re sepe gore go a reng. O tlaa aga o dumela mo go ene, o solofela tse di molemo mo go ene, ebile o mo femela ka gale ka boammaaruri.
7 sofre todas as coisas; crê em todas as coisas, espera em todas as coisas, suporta todas as coisas.
8 Dimpho tsotlhe tse di faphegileng le dinonofo tse di tswang kwa Modimong e tlaa re letsatsi lengwe di tle mo bokhutlong, mme lorato lo tswelela ka bosakhutleng. Letsatsi lengwe seporofeso, go bua dipuo tse di sa itsiweng le kitso e e faphegileng, dimpho tse di tlaa nyelela.
8 A caridade nunca falha; mas, havendo profecias, elas falharão; havendo línguas, cessarão; havendo conhecimento, desaparecerá.
9 Jaanong re itse go le gonnye fela, le kaga dimpho tsa rona tsa botlhokwa le thero ya ba ba filweng go rera thata. Mme thero ya bone e santse e le bokoa,
9 Porque em parte conhecemos, e em parte profetizamos.
10 mme fa se se itekanetseng se tla, se se sa itekanelang se tlaa nyelela.
10 Mas, quando o que é perfeito vier, então, o que o é em parte será aniquilado.
11 Mme go ntse jaana: erile ke sa le ngwana ke ne ke bua ebile ke akanya jaaka ngwana. Mme ya re ke nna monna megopolo ya gola go feta ya bonyana jwa me, mme jaanong ke tlogetse dilo tsa sengwana.
11 Quando eu era criança, falava como criança, entendia como criança, pensava como criança; mas quando eu me tornei homem, eu coloquei de lado as coisas infantis.
12 Mme fela jalo, re ka bona ra bo ra tlhaloganya go le gonnye fela kaga Modimo, jaaka ekete re lebetse tsabakelo ya gagwe mo seiponeng se se letobo; mme letsatsi lengwe re tlaa mmona fela jaaka a ntse, re lebane mo matlhong. Mme gompieno ke santse ke le mo letobong, mme e tlaa re kwa morago ke tlaa bona sengwe le sengwe sentle; fela jaaka Modimo o bona mo teng ga pelo ya me gompieno.
12 Porque agora vemos através de um espelho, sombriamente; mas então veremos face a face; agora eu conheço em parte, mas então conhecerei como também eu sou conhecido.
13 Go na le dilo di le tharo tse di salang, tumelo, tsholofelo le lorato, mme se se tona mo dilong tse ke lorato.
13 E agora permanecem a fé, a esperança e a caridade, estas três; mas a maior destas é a caridade.

Ler em outra tradução

Comparar com outra

Estude este capítulo no WhatsApp

Peça à IA da Bíblia Fala para explicar 1 Coríntios 13, comparar traduções ou montar um estudo — tudo direto pelo WhatsApp.